06/08/2024
[Pesalema: 140:1
Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi., Pesalema: 140:2
Morena, nkgolole mo bathong ba ba bosula; o mpoloke mo banneng ba ba bodipa,, Pesalema: 140:3
ba ba akanyang dilo tse di bosula mo pelong, ba tsosa ntwa ka malatsi otlhe., Pesalema: 140:4
Ba itooditse diteme, ba tshwana le dinoga; botlhole jwa lebolobolo bo mo maganong a bona. Sela., Pesalema: 140:5
Morena, mpoloke mo diatleng tsa moikepi, o mphemele mo banneng ba ba bogwama, ba ba ikaeletseng go ntigela lengopeng., Pesalema: 140:6
Baikgantshi ba mphitlhetse mutlwane le serai, ba mpeetse letloa fa thoko ga tsela, ba nthaisitse ka seru. Sela., Pesalema: 140:7
Ke buile le Morena ka re: “O Modimo wa me.” Morena, reetsa lentswe la mekokotlelo ya me., Pesalema: 140:8
Modimo Morena, wena thuso e e thata ya me, ke wena yo o femelang tlhogo ya me ka letsatsi la tlhabano., Pesalema: 140:9
Morena, o se ka wa dirafatsa dikeletso tsa moikepi; a maano a o a logileng a se kgonege, ba ka tla ba ikgodisa. Sela., Pesalema: 140:10
Fa ba ka tsholetsa ditlhogo tikologong ya me, a tshenyo ya diteme tsa bona e ba khurumetse., Pesalema: 140:11
A Morena a nesetse magala mo go bona, a ba digele mo molelong, mo bodibeng gore ba se ka ba tlhola ba tsoga., Pesalema: 140:12
A monna wa puo e e bosula a se ka a tlhomama mo lefatsheng; monna yo o bodipa a tlalelo e mo leleke gangwe le gape., Pesalema: 140:13
Ke a itse, fa Morena a tla emela kgang ya motlalelwi le tshiamelo ya mohumanegi.]